Go kgwa
| Vomiting | |
|---|---|
| Maina a mangwe | Emesis, puking, barfing, heaving, throwing up, blowing chunks, upchucking, technicolor yawn, spewing, tossing your cookies |
| Miracle of Marco Spagnolo by Giorgio Bonola (Quadroni of St. Charles) | |
| Specialty | Gastroenterology |
| Dikai | Nausea[1] |
| Ditamorago | Dehydration, aspiration, electrolyte abnormalities, damage to teeth, esophageal tear[1][2] |
| Duration | 1 to 2 days[3] |
| Causes | Common: Gastroenteritis, certain medications or toxins[1] Other: Cannabis hyperemesis syndrome, cyclic vomiting syndrome, bowel obstruction, hepatitis, increased intracranial pressure, migraine, eating disorders, diabetic ketoacidosis, motion sickness, nausea and vomiting or pregnancy, appendicitis, labyrinthitis[1] Babies: Reflux, volvulus, pyloric stenosis urinary tract infection, intussusception[4] |
| Treatment | Drinking fluids, antiemetics, intravenous fluids[1][5] |
Go kgwa, mo go itsegeng gape jaaka go tlhatsa, ke go kgwa ga diteng tsa mala ka molomo kgotsa ka nko e se ka maikaelelo.[1] Go amana le go feroga sebete mme gantsi go tsaya letsatsi kgotsa malatsi a mabedi.[1][3] Bodiphatsa jwa bolwetsi bo akaretsa go felelwa ke metsi mo mmeleng, go hema, go sa tlwaelega ga eleketerolaete, go senyega ga meno, le go kgagoga ga mometso.[1][2] Go kgwa go farologana le go tlhatsa, ka gore go kgwa ga go akaretse go ngotlega ga mala kgotsa go feroga sebete.[1]
Dilo tse di tlwaelegileng tse di bakang go selelega(gastroenteritis) le melemo mengwe kgotsa botlhole.[1] Dintlha tse dingwe tse di bakang go kgwa di akaretsa bolwetse jwa go kgwa thata, bolwetse jwa go kgwa ka modikologo, go thibana ga mala, hepatitis, kgatelelo e e oketsegileng ya mo teng ga tlhogo, bolwetsi jwa tlhogo e tona, mathata a go ja, ketoacidosis ya bolwetse jwa sukiri, bolwetse jwa go tshikhinyega, go feroga sebete le go kgwa kgotsa boima, appendicitis le labyrinthitis.[1][3] Mo maseeng go ka baka go boela morago ga motlhapo, volvulus, tshwaetsego ya mosele wa motlhapo wa pyloric stenosis, le go tsenelela ga motlhapo.[4]
Kalafi e akaretsa go leka go nwa metsi kana sepe se se nang le metsi a mantsi.[5] Dithibela-go kgwa go dirisediwa go fokotsa dikai.[1] Gape go na le bosupi jwa go hema isopropyl alcohol.[6] Fa go na le go tlhoka metsi, seeledi se se tsenngwang mo ditshikaneng se ka nna mosola.[1] Dikai tse di tshwenyang di a akaretsa botlhoko jo bo tseneletseng mo mpeng, madi mo matlhatseng, go opiwa ke tlhogo thata, dikai tsa go felelwa ke metsi mo mmeleng, le matlhatsa a matala.[3] Go kgwa ke lone lebaka la gore batho ba ka nna 1.6% ba etele dingaka tsa malwapa kwa Australia.[7]
Ditshupiso
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 11 12 13 "Nausea and Vomiting - Gastrointestinal Disorders". Merck Manuals Professional Edition. Archived from the original on 25 November 2020. Retrieved 20 October 2020.
- 1 2 Antonelli, JR; Seltzer, R (September 2016). "Oral and Physical Manifestations of Anorexia and Bulimia Nervosa". Texas dental journal. 133 (9): 528–535. PMID 30549518.
- 1 2 3 4 "Vomiting in adults | NHS inform". www.nhsinform.scot (in Sekgoa). Archived from the original on 27 October 2020. Retrieved 20 October 2020.
- 1 2 Baren, Jill M. (2008). Emergency Medicine/wpvux6RS-jsC?hl=en&gbpv=1&dq=Vomiting%20infants%20differential&pg=PA568 Pediatric Emergency Medicine (in Sekgoa). Elsevier Health Sciences. p. 568. ISBN 978-1-4160-0087-7. Emergency Medicine/wpvux6RS-jsC?hl=en&gbpv=1&dq=Vomiting+infants+differential&pg=PA568 Archived from the original on 2021-08-29. Retrieved 2020-10-20.
{{cite book}}: Check|archive-url=value (help); Check|url=value (help) - 1 2 "Nausea and Vomiting". medlineplus.gov. Archived from the original on 18 October 2020. Retrieved 20 October 2020.
- ↑ Lindblad, AJ; Ting, R; Harris, K (August 2018). "Inhaled isopropyl alcohol for nausea and vomiting in the emergency department". Canadian family physician Medecin de famille canadien. 64 (8): 580. PMID 30108075.
- ↑ Helena Britt; Fahridin, S (September 2007). "Presentations of nausea and vomiting" (PDF). Australian Family Physician. 36 (9): 673–784. PMID 17885697. Archived from the original (PDF) on 2019-03-26. Retrieved 2010-02-15.